Meno Masweu Polaya e Tshega #Kgaolo ya ntlha#

Mmareta le Dipuo ene ele lenala le monwana.. fa one o ba lebile o ne o ka ithaya wa re ke mawelana.

Basetsanyana ba ba bedi ba, ba gotse mmogo, ba nna mo lefelong le lengwe. Fa o ya kwa ga bo Dipuo o tswa fa bo Mmareta  o gata dikgato fela di se kae. Ba gotse jalo mmogo go  tloga boseeng go fitla ba ya kwa sekolong se se golwana. Go senyegile kae? Busa mowa o ntheetse!

Mmareta ke mosetsanya o moswoana, o mosetlhana okare lephutshi la mariga. O katogile moyo go se kae. Sefatlhego sa gagwe ene o kare sa mpopo o le mo thelebisheneng,dilo tsa sesha. Moyebo wa gagwe o ne o thiba letsatsi. Ga ke garela nkare o ne a le montle tota. Dikgosi di ne di ipoa kgasu faabo go tla go leka le bagolo. Mmagwe a gana a sale a pitike. “Ke batlela ngwanake botshelo jo bo botoka, a ikemelele mo botshelong jwa gagwe, ga nkitla ke mo tlhopela sepe” mmagwe a wetse kgang  a gatlhile tuku. “A le santse le le fa?!” a botsa magosi. O ne a sa tshabe gore kgosi e tla mo ntsha ka  motse?, nyaa fa o e tshwara ka fa bogaleng le ga e ka go kgaola menwana ga ona sepe.

Mareta le Dipuo ba ne ba iphelela ba le babedi fela, o ne o ka se bone DIpuo fa gaufi wa tlhoka go gaodisa Mmareta. Botsalano jwa bona ene ele jo bo rokotsang mathe mo balekaneng jwa bona. Fa go iwa sekolong ba patagane, ga go boiwa ba patagane. Batsadi bane ba itumela thata fa ba bona se, bare bana ba bona ga ba kitla ba kgotlhelwa ke bana ba bangwe ba ba sa rutegang go tswa kwa malapeng a bona. Malapa a bone ka bobedi ene ele malapa a tlotlegang ka bane ba itshwere sentle le molao o rutilwe mo lelapeng. Ka ura ya bosupa,phimane, ne ba itse gore ba be ba tshwanetse ba le mo mantlong a bona, Mmila ene ele moila mo go bona.

Fa ba tsena kwa sekolong se se golwana, tshiname e simolola go ba kgatlhegela. Dipuo e ne ele mosetsanyana wa mmele, fa ne ba mmoka ne bare ke mosetsana wa mo Aforika tota, ka re itse gore MaAforika ke bone ba ba nang le matshwaro. Ka mmala a le borokwa, a ratile go nna montshonyana. Dikoti ke tsele marameng, fa pula e ka nela mogo tsona, ditshoswane di ne di ka se kgale foo go tla go ikgalolosa. Meno a gagwe are twaa,fa ane a ke nyeba go le gaufi, o ne o ka thanya letsogo le le matlhong. Basetsana ba, ba ne ba le bantle. Mekgabo ya bo rrabona.

Ka mophato wa bolesome ke fa Dipuo a iponela molekane, ene o ne a dira mophato wa bosome le bonngwe. Molekane wa gagwe o ne a tswa ko lelapeng le le senamg moruto, kwa mmapereko, ngwana,mogolo, ene ele selo se le sengwe fela mo go ena. Ka nako eo, Mmareta ene o ne a sena molekane,Dipuo a phela a mmotsa gore naare o emetseng, karabo e ne e ntse ele ” ke emetse motho yo o maleba”. Go a nne go aya jalo. E ne ese gore Mmareta ga a boniwe. o ne  a setse a lapile ngwana wa batho ka mabolediso a tsatsi le letsatsi, ba ipala mabala a kgaka basimanyana.

Lekau la ga Dipuo le ne le tshabega sekolo se sotlhe le dikolo tse di mabapi.Go ne go setse go itsagale fa  o nna le Dipuo, ka jalo tshimanyana ene e tshamekela kgakala le ene. Fa ane asa ba boledisi tsatsing leo Dipuo o ne a lapisiwa ke batho ba ba emisang Mmareta mo tseleng, o ne a simolola go itseela kwa tlase. A ipotsa gore a ene ga a boniwe, ne a sa kgone go lemoga gore bothata ke godiate e a nnang le yona e. Leina la gagwe ke Batshwentse.

Batshwentse e ne ele mosimanyana yo o goletseng kwa godimo. A le mafega okare phefo ya borwa. Mmele o le bokete,a ja ditshipi. Mmele o kgatlhisa mo basetsanyaneng ba le bantsi, ka gore fa o ne o tshotse monna wa dikgoka o ne o tshotse konokono. A le letsogo lebokete. O ntenne fa a ne tsholeletsa Dipuo letsogo, ele ka ntlha ya gore mosimanyana mongwe o ne a mo emisitse mo tseleng. Ya nna seo-modiro. E rile fa mmagwe Dipuo a itse ka ga kgolagano ya bone o ne a sa rate leeseng… o kgalemile o paletswe, mme ka a itse fa pelo e ja serati a latlhela toulo. Gongwe Dipuo ne a tshaba gore fa aka mo tlogela o tla wela dingalo, go itse mang?

Fa ba fitlha kwa mophatong wa bosome le bongwe ke fa go tla mosimanyana mongwe a tswa Bokone, Polokwane. O tlile mo ka ntlha ya gore rragwe ba mo fudusitse ka tsa tiro. A itekanetse ka seemo. Bosetlha jwa gagwe ekare jwa motho a tlhapa ka maswi. Ka monna go sa nke gotwe o montle, ene o ne a lebega, o ne oka tlhola o molebile o sa boye. Maitseo a gagwe ane a tlala seatla, ngwano o boikobo, o ka kgona go bona batsadi ba gawe mo go ene. Le bona ba le boikobo, ga fale ga fale e maswi e sa itsale, fa le e itsetse.

Moso mongwe Mmareta a isa dibuka kwa kantorong ya mokgogo, e rile fela a tikologa ka kgoro ke fa dibuka di re phaa! Fa a ntse a di sela o lemoga  fa gona le letsogo lengwe le le mothusang, mosetsanyana go lemoga letsogo leo a okaoka go tshosa tlhogo, letsogo la teng le bopegile le le phepa, ke le o kareng le go tshwere wa se eletse  le ka go tlogela. Erile go tsosa tlhogo mosetsanyana ke ga okare borekhu bo le mo letsatsing. Mosimanyana ene a tlallwa a sa itse gore a tshware kae a lese kae.

“ke nna… Dumela.. go siame..” mosimanyana a bua a retologa ka iketlo. “Eee… Ke a leboga, o mosa tota” Mmareta a bua a fela mowa. Letsatsi la nna la tsamaya. 

PELO E JA SERATI

Image

Pelo e ja Serati ke seane sa setswana se se kayang gore fa o rata motho o mo rata ka pelo yotlhe go sa kgathaletsege goya ka maemo. Gape se kaya fa motho a ka se tlhopelwe gore a rate mang se rate mang.

Gantsi mo lefatsheng re le batho re kopana le dikgetlho tse di ntsi fa re tla mogo tsa marato. Lerato ga e sale lerato malatsing ano, re lebeletse thata dilo tsa lefatshe, e ka nna khomo/lefa, maemo kana ditebego. Dilo tsotle tseno o ka nna le tsona, mme fa o sena lerato go tshwana fela. Go le jaana ga go ise go nne le motho yo o ka tlhalosang lerato ka botlalo, ba rile re a itse, ba tlhotswe le penne.

Thamaga ya bo Jesu e lekile go bua thata ka lerato mo bukeng ya Bakorinte, fa ke gakologelwa sentle, yare lerato ga le tlhope, ga le kgetholle, ga le ipoke, ga le ikgogomose. Jaanong rona re le batho re tlhopile go tsaya tsela nngwe go tswa mo go e, ya Bakorinte.

Fa ke boela mo thitokgang ya lekwalo le, ke rata nka bua ka batho. Batho go le gantsi ga ba itumelele tshwaetsho ya gago ya go ratana le motho yo o rileng. Ba tla simolla ba go kgobotletsa ka majwe, ba bua dipuo di gana go fela. Fa nka botsa ke mang a rileng o tlhoka tshwaelo ya bona gore o ratane le mang?

Batsadi, batsadi le bona nako nngwe ba re tsenya ka fa tlase ga kgathelelo, ‘ga ke go ratele motho yoo… o ntse jaana le jaana” Ee a ke gane nako dingwe o fitlhele ba opile kgomo lenaka, mme ba lebala ka maikutlo a gago, ka pelo ya gago.. Potso e re ka e botsang gone jaanong ke gore, a ba itse seo se go isitseng koo? Nako nngwe re patelediwa go ratana le batho ba ba rileng ka mabaka a rileng ka ntlha ya batsadi. ke ka moo o fitlheng manyalo a le mantsi a tletse dintwa, maaka, bofefe le go tlhoka kutlwano, ke ka ntlha ya gore ba editswe ‘matshwanintshwani” . Pele re ne re itse gore bagolo ba tla go batlela motho bare ke ene monna wa gago kana mosadi wa gago, jaanong dilo di fetogile, ga re sa solofela seo mo nakong eno. Mme leteng gone go sa tlise boitumelo mo pelong ya gago. Fa o ne oka gana o bua fa wena o na le motho yo o mo iponetseng, ga eno ene ele nageng.

Ga ana leitlho,tsebe, o tsamaya a sokame, o matshwekga, o makopo, mmagwe wa loya, kwabo ke bogopane ba baikapari, tseo di tsena jang mo loratong?  fa o sa bone tseo mogo ene o mo ratile jaaka a ntse ga gona sepe seo o ka lelang ka sone jaanong.. o mongwe ene a roke molomo wa gagwe.

Gantsi go kaiwa fa letato le le bofofu, nka dumela,nka ganela. Mme nna ke are PELO E JA SERATI. Ga se gore tse tshotlhe tse di buiwang tseo ga o di bone, fela gore o mo rata jaaka a ntse.  gakologelwa, o se bone thola borethe teng ga yona go a baba.

Ga omo rata. wa mo rata.. gore mang areng… ba fe mokoatla!

Nna ke na le motho o ke mo ratang, re na le sebakanyana re ntse re nna mmogo, fela re fitile foo. Dipuo di gana go fela, Nako nngwe o tla re o fedisa kgolagano ka ntlha ya dipuo tseo, pelo yona ya sala e ngangatletse!

Ga ke fitlha kwa bofelong ke rata gore ‘khudu ya mariga e itsewe ke mmei wa yona’.

 

#ke ne ke ikutlwa go kwala sengwe ka Setswana, fela le fa se sa tlhapa mo go kalo ke lekile#